Kgaolo 1

1 Ke nna Paulo,moaposetolo,ke se moaposetolo go ya ka batho kana go tswa mo mothong, mme go tswa mo go Jeso Kererete le Modimo Rara,yo o mo tsositseng mo baswing. 2 Le bakaulengwe botlhe ba ke nang le bone,go diphuthego tsa Bagalatia; 3 A tshegofatso le kagiso go tswa mo go Modimo Rara le Morena Jeso Keresete di nne le lona, 4 yo o ntsheditseng botshelo jwa gagwe maleo a rona go re a re golole mo bosuleng ba metlha eno,go ya ka fa go rateng ga Modimo Rara wa rona, 5 a kgalalelo e isiwe go ene ka bosakhutleng.Amen. 6 Ke a gakgamala fa le fetogela ka bonako e ne yo o le biditseng ka tshegofatso ya ga Keresete.Ke gakgamalela gore le bo le fetogela ko mafokong a a molemo a sele. 7 Mo ka bo ke sa reye gore go na le mafoko mangwe a a molemo,mme ga bo go na le batho ba batlang go tsosa tlhakatlhakano ba bo fetola mafoko a a molemo a ga Keresete. 8 Mme le fa e ka nna rona kgotsa moengele a tswa legodimong a le rerela mafoko a a molemo a sele,a a hutsege. 9 Jaaka re buile go le pele, ke bua gape," fa mongwe a le rerela mafoko a a molemo a a sa tshwaneng le a le a amogetseng a a hutsege," 10 A ke batla go akgolwa ke Modimo kana batho? A ke senka go itumedisa batho? Fa ke santse ke senka go itumedisa batho, ga ke motlhanka wa ga Keresete. 11 Ke batla le itse bakaulengwe, gore mafoko a a molemo a ke a rerileng ga se a motho. 12 Ga ke a amogela go tswa mo mothong, ga ke a a rutiwa, Ka jalo e ne e le tshenolelo e ke e tsereng mo go Jeso Keresete. 13 Le utlwile ka botshelo jwa me jwa pele ka tumelo ya Sejuta, kafa ke neng ke kgokgontsha phuthego ya Modimo go feta selekanyo le go leka go e senya. 14 Kene ke rutegile mo tumelong ya Sejuta go gaisa balekane bame go tswa mo go bagaetsho . Ke kafa ke ne ke tlhwaafatse thata ka teng mo ditsong tsa bo-rraetsho . 15 Mme fa modimo yo o nkgethileng ke santse ke le mo sebopelong sa ga mme,a mpitsa ka tshegofatso ya gagwe, 16 a itumelela go senola morwawe mo go nna,gore ke tle ke mo rerele Baditshaba,ka seka ka botsa nama le madi. 17 Ka seka ka ya kwa Jerusalema kwa go bao ba ba nnileng baaposetolo pele game.Mme jalo ka ya Arabia morago ka boela Tamaseko. 18 Morago ga dingwaga tse tharo kene kaya Jerusalema go itse Kefase mme ka nna le ene malatsi a le lesome le botlhano. 19 Ke ne ka seka ka bona ope wa baaposetolo fa e se Jakoba fela monnawe Morena. 20 Mo go se ke se le kwalelang,ke le rurifaletsa fa pele ga Modimo gore ga ke bue maaka. 21 Ke ile ko mafelong a Siria le Kilikia, 22 Kene ke sa itsewe ko diphuthegong tsa Jutia tse di mo go Keresete, 23 Mme bane ba utlwalela gore, "Monna yo o kileng a re tlhokofatsa jaanong o rera tumelo e a kileng a leka go e senya." 24 Ba galaletsa Modimo ka lebaka lame.