Kgaolo 1

1 Mogolwane, go Gaiase yo e leng moratiwa, yo ke mo ratang ka boammaaruri. 2 Moratiwa, ke rapela gore o atlege mo dilong tsotlhe, ebe o atlega mo botsogong fela jaaka mowa wa gago o atlega. 3 Ka gore ke ne ka itumela fela thata fa bakaulengwe ba tla go mpakela ka boammaaruri jwa gago, fela jaaka o tsamaya mo boamaaruring. 4 Ga ke na boitumelo jo bo fetang jo, go utlwa gore bana bame ba tsamaya mo boammaaruring. 5 Moratiwa, o dira boikanngo nako tsotlhe fa o bereka le bakaulengwe le batswakwa, 6 ba ba pakileng ka lorato la gago magareng ga baphuthegi. O dira sentle fa o ba thusa mo tseleng ya bone, ka mo go tshwanelang fa pele ga Modimo, 7 ka gore e ne e le ka lebaka la leina, go bo ba tswetse kwa ntle, ba sa tseye sepe mo baditshabeng. 8 Jalo he, re tshwanetse ra amogela batho ba go tshwana le ba, ka gore re tla bo re le badirammogo le boammaaruri. 9 Ke kwaletse baphuthegi sengwe, mme Dioterefese, yo o ratang go lemogiwa pele ga mongwe le mongwe, ga a re amogele. 10 Ka jalo, fa a tla, ke tla gakologelwa ditiro tse a di dirang, o bua dilo tsa bomatla kgatlhanong le rona ka mafoko a bosula. Ka a sa itumelele ditiro tse, ga a amogele bakaulengwe. O thibela ba ba eletsang go dira molemo, a bo a ba koba mo phuthegong. 11 Moratiwa, se etsise se se bosula, mme o etsise se se molemo. Yo o dirang molemo ke wa Modimo; yo o dirang bosula ga a ise a bone Modimo. 12 Dimiteriase o pakelwa ke mongwe le mongwe, le ke boammaaruri ka sebele. Le rona re a mo pakela, mme le itse fa bopaki jwa rona ele boammaaruri. 13 Ke ne ke na le dilo di le dintsi tse ke neng ke batla go di go kwalela, mme ga ke eletse go di go kwalela ka pene le inki. 14 Mme ke solofela go le bona mo bogautshwaneng, mme re bue re lebane matlhong. 15 A kagiso e nne le wena. Ditsala di a go dumedisa. Dumedisa ditsala ka maina a bone.