Kgaolo 3

1 Jaanong bakaulengwe,re rapeleleng gore lefoko la Modimo le tle le ntsifale ka bonako,gape gore le tle le galalediwe jaaka le le mo go lona. 2 Rapelang gore re tle re gololwe mo boikepong le mo bathong ba ba bosula gonne botlhe ga ba na tumelo. 3 Mme Morena o boikanyego ene oo tla a le tlhomamisang a ba a le disa mo go oo bosula. 4 Ga rena poifo mo Moreneng ka lona, gore lotlhe le tla a dira a bo le tswelela le dira dilo tse re le di laelang. 5 A Morena a laele dipelo tsa lona mo loratong la Modimo le boitshoko mo go Keresete. 6 Mme re a lo laela bakaulengwe, mo leineng la Morena wa rona Jeso Keresete,gore le ikgaoganye le mokaulengwe mongwe le mongwe yoo tsietsegang le go sa tsamaya ka fa molaong o a o amogetseng go tswa mo go rona, 7 Gonne lona lo a itse gore go siame go re etsa.Re ne re sa tshele le lona jaaka ba ba sa itshwareng sentle. 8 Mme ga re aka ra ja dijo tsa ga ope re sa di duela. Mme re ne re bereka ka thata bosigo le motshegare,gore re seka ra le imela, 9 Re ne re dira se, e se ka gore re ne re sena taolo,mme re dirile se, e le gore re nne sekao mo go lona gore le tle le nne baetsi ba rona. 10 E rile re na le lona,re le laotse,"Fa go na le mongwe yo o sa batleng go bereka a a seka a ja" 11 Gonne re utlwa gore bangwe ba lona ba a tsietsega ,mme ba ga bereke sepe mme e le balotlhanyi fela. 12 Mme jaanong re a le laola a be re le kgothatsa mo go Morena Jeso Keresete gore ba bereke ka tidimalo a be ba a ja dijo tsa bone. 13 Mme lona bakaulengwe,se feleng dipelo go dira sese molemo. 14 Fa mongwe a sa utlwe lefoko la rona mo lokwalong,mo eleng tlhoko mme lo seka la nna botsalano le ene gore a tlhabiwa ke ditlhong. 15 Lo seka la mo tsaa jaaka mmaba wa lona , mme le mo gakolole jaaka mokaulengwe wa lona. 16 A Morena wa kagiso ka bo ene a lo neele kagiso ka dinako tsotlhe.A Morena a nne le lona lotlhe. 17 Mo ke tumediso yame ka letsogo, Paulo. Mo ke gone tshupo mo lekwalong lengwe le lengwe.Ke ka jaaka ke kwala. 18 A tshegofatso ya Morena wa rona Jeso keresete e nne le lona lotlhe.