Kgaolo 1

1 Paulo, Selifiso le Timotheo, kwa phuthego ya Batheselonika mo Modimong, Rraarona le Morena Jeso Keresete. 2 A tshegofatso e nne le lona, le kagiso ya Modimo Rraarona le Morena Jeso Keresete. 3 Re tshwanetse ra isa malebogo kwa Modimong nako tsotlhe ka ga lona, bakaulengwe. Gonne mo go siame, ka gore tumelo ya lona e gola thata, le lorato la lona lo kitlane magareng ga lona. 4 Jaanong rona ka borona re bua ka tlotlomalo ka ga lona magareng ga diphuthego tsa Modimo. Re bua ka bopelotelele ja lona le tumelo mo dipogisong tsotlhe tsa lona. Re bua ka dipogiso tse lo di itshokelang. 5 Se ke sesupo sa katlholo ya tshiamo ya Modimo. Maduo ke gore lo tla kaiwa le tshwanelwa ke bogosi jwa Modimo o lo bogang ka ga ene. 6 Ke tshiamo ya Modimo go busetsa dipogisego kwa go bone ba ba lo bogisang, 7 le kgololosego mo go lona ba lo bogisitsweng le rona. O tla a dira se mo go bonafaleng ga Morena Jeso go tsweng Legodimong le baengele ka nonofo ya gawe . 8 Ka kgabo ya molelo o tla a busolosetsa mo go bone ba sa itseng Modimo le mo go bone ba ba sa tsibogelang mafoko a a molemo a ga Morena Jeso. 9 Ba tlaa boga katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng ba le kgakala le bolengteng jwa Morena le kgalalelo ya maatla a gagwe. 10 O tla dira se fa a tla mo letsatsing la gawe go galalediwa ke batho ba gagwe le go tla go bonwa ke bao botlhe ba ba dumetseng. Gonne bopaki jwa rona ka ga lona bo ne bo dumetswe. 11 Ka lobaka lwa se re lo rapelela ka metlha re sa eme. Re rapela gore Modimo a lo bone lo tshwanetswe ke pitso ya lona. Re rapela gore o tla diragatsa keletso nngwe le nngwe e e molemo le tiro nngwe le nngwe ya tumelo ka maatla. 12 Re rapela dilo tse gore leina la Morena wa rona Jeso lo galalediwe ke lona. Re rapela gore lo tla galalediwa ke ene, ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo wa rona le ka Morena Jeso Keresete.