Kgaolo 1

1 Go tswa go mogolwane go ya ko mosading yo o kgethegilweng le bana ba gagwe, yo ke mo ratang ka boammaaruri- mme e seng nna fela, mme le botlhe ba ba itsileng boammaaruri- 2 ka lebaka la boammaaruri jo bo ntseng mo go rona ebile bo tla tswelela bo le mo go rona ka bosakhutleng. 3 A tshegofatso, mautlwelobotlhoko le kagiso di nne le rona go tswa kwa go Modimo Rara le Jeso Keresete, le Morwa wa ga Rara; ka boammaaruri le lorato. 4 Ke itumetse thata fa ke fitlhela bangwe ba bana ba gago ba tsamaya mo boammaaruring, fela jaaka re amogetse taolo e go tswa kwa go Rara. 5 Mme ke a go kopa, mosadi- e seng o ka re ke go kwalela taolo e ntsha, mme taolo e re sa bolong go e amogela kwa tshimologong- gore re ratane. 6 Se ke lorato, gore re tsamaye go ya ka ditaolo tsa Modimo. Taolo ke e, fela jaaka le utlwile kwa tshimologong, gore le tsamaye mo go yone. 7 Ka gore batsietsi ba le bantsi ba tsene mo lefatsheng, mme ga ba bolele fa Jeso Keresete a tlile mo nameng. Yo ke motsietsi le moganetsa Keresete. 8 Itshekatshekeng, gore le se ka la latlhegelwa ke dilo tse le di diretseng mme gore le tle le amogele tuelo e e tletseng. 9 Ope yo o tsamayang, a sa tswelele mo thutong ya ga Keresete ga a na Modimo. Yo nnang mo thutong, o na le botlhe Rara le Morwa. 10 Fa motho ope a tla kwa go wena, mme a sa tsise thuto e, o seka wa mo amogela mo ntlong ya gago le fa ele go mo dumedisa. 11 Ka gore yo o mo dumedisang o tsaya karolo le ditiro tsa gagwe tse di bosula. 12 Ke na le dilo di le dintsi tse ke batlang go di go kwalela, mme ga ke eletse go di go kwalela mo pampiring ka inki. Mme fela, ke solofela go tla kwa go wena, re tle re bue re lebaganye mo matlhong, gore boitumelo jwa rona bo tle bo felele. 13 Bana ba ga kgaitsadio yo o kgethegileng ba a go dumedisa.