Kgaolo 1

1 Petere, moaposetole wa ga Kesete Jeso, go bajaki ba ba nnang gongwe le gongwe, ba ba kgethilweng, go tsweng kwa Ponto, Galatia, Kapatokia, Asia le Bithinia. 2 Mo ke ka kitso ya pele ya Modimo Rara, arologantsweng ke moya mo kutlong le mo kgatshong ya madi a Morena Jeso Keresete. A tshegofatso e nne le lona, le kagiso ya gago e oketsege. 3 A Modimo le Rara wa Morena wa rona Jeso Keresete a segofadiwe, ka mautlwelo botlhoko a magolo, o re file tsalo e ntsha, ka tsholofelo ya go rua boswa.Go rua boswa moo ke ka ntlha ya tsogo ya Morena Jeso Keresete mo baswing. 4 Gonne boswa jo, ga bona go nyelela , kana go leswafadiwa, ga bo kitla bo feta. Jo le bo boloketsweng ko legodimong. 5 Le sireleditswe ka maatla a Modimo ka ntlha ya tumelo. Ka poloko ee bakantsweng go senoga mo motlheng wa bofelo. 6 Le itumetse ka tse, ka jalo le fa go le maleba gore le utlwe botlhoko ka mathata a farologanyeng. 7 Se ke tshupo ya tumelo ya lona, e e botlhokwa go feta gouta e nyelelang, le fa e lekilwe ka molelo.Se se direlwa gore tumelo ya lona e tle e bonaladiwe mo dipakong tsa lona, kgalalelo, mme le tlotlo mo go bonagaleng ga ga Keresete Jeso. 8 Ga le ise le mmone, mme le a mo rata. Ga le mmone gompieno, mme le dumela mo go ene mme le itumetse mo go sa buiweng, boitumelo jo bo galalelang. 9 Jaanong le a ikamogelela maduo a tumelo ya lona, le poloko ya moya wa lona. 10 Baporofite ba batlisisitse ba bo ba botsisisa ka poloko ena, ka tshegofatso e tla nnang ya lona. 11 Ba batlisisitse go itse gore mowa o o mo go Keresete mo go bone,o ne o bua mo go bone.Se se ne se diragala ka gore o ne a ba bolelelela ko pele ka go bogisiwa gaga Keresete le tsotlhe tse di molemo morago ga moo. 12 Go senotswe mo go bone gore ga ba itirele, mme ba direla wena, fa ba bua ka dilo tse, tse di setseng di builwe ke ba ba rerang efangedi mo go lona ka moya o boitshepo o rometsweng go tswa legodimong - dilo tse baengela ba tlhwaafalelang go di leba. 13 Jaanong tlamang matheka a ditlhaloganyo tsa lona, lo itekanele. Bayang tshepo mo tshegofatsong e le tla e tsisediwang mo tshenolong ya ga Keresete Jeso. 14 Jaaka bana ba ba kutlo, le seka la bopegela mo dikeletsong tse lo ne le di setse morago fa le ne le tlhoka kutlo. 15 Jaaka yo o le biditseng a le boitshepo, le wena, nnang boitshepo mo maitsholong a lona otlhe. Gonne go kwadilwe gore, 16 ''Nnang boitshepo, ka gore ke boitshepo.'' 17 Mme ga o bitsa ''Rra '' ene yo atlholang a se mo letlhakoreng lepe go ya ka tiro ya mongwe le mongwe, nako e lo tsayang loeto ka tlhwaafalo. 18 La itse gore e ne e se ka selefera kgotsa gouta e e nyelelang, gore le rekolotswe mo boitshwarong jo bo sa letlelesegeng jo le bo rutilweng ke borra lona. 19 Mme, le rekolotswe ka madi a botlhokwa a ga keresete, yo o neng a tshwana le kwana e e senang molato kgotsa selabe. 20 Keresete o ne a kgethilwe pele ga motheo wa lefatshe, jaanong o senotswe mo go lona ka metlha ya bofelo. 21 Ka ene le dumela mo Modimong, yo o tsositsweng mo baswing le mo go ene yo o filweng kgalalelo gore tumelo le tshepo di nne mo Modimong. 22 O dirile moya wa gagwe gore o itsheke le kutlo mo nneteng. Mo e ne e le lorato le le bonolo la sekaulengwe, jaanong ratanang ka tlhwaafalo go tswa mo pelong. 23 Le tsetswe sesha, e seng mo peong e nyelelang, mme go tswa mo peong e e sa nyeleleng, go tswa mo dikwalong tse di tshelang tse di setseng tsa Morena. 24 Gonne, ''Nama yotlhe e tshwana le bojang, gonne kgalalelo e tshwana le sethunya sa bojang. Bojang bo a omelela, dithunya di a tlhotlhorega, 25 mme lefoko la Morena le eme ka bosakhutling. '' A ke mafoko a mantle a le neng le a itsisiwa.