Kgaolo 1

1 Ene yo o neng a le teng kwa tshimologong -o re mo utluleng, o re mmoneng ka matlho a rona, o re neng ra mmona, le matsogo a rona a motshwara -ke kaga lefoko la botshelo. 2 Botshelo le jone bo ne jwa itsisiwa, ebile re bo bone, ebile re fa bosupi ka ga bone. Re le bolelela botshelo jo bo sa khutleng, jo bo neng bo na le Rara, e bile re ne ra bo itsisiwe. 3 Se re utluleng ebile re se bone re a le se itsise le lona, gore le lona letle le nne le bokopano le rona. Bokopano jwa rona ke mo go Rara, le Morwa wa gagwe, Jeso Keresete. 4 Re le kwalela dilo tse gore boitumelo jwa rona e nne jo bo feletseng. 5 O ke molaetsa o re o utluleng gotswa mo go ene ebile re a o le itsise: Modimo ke lesedi, mo go ene ga gona lefifi gotlhelele. 6 Fa rere re na le bokopano le ene mme re tsamaya mo lefifing, re bua maaka ga re diragatse boammaaruri. 7 Mme fa re tsamaya mo leseding jaaka a le mo leseding, re na le bokopano le bangwe ka rona,le madi a ga Jeso morwaawe a re tlhatswa mo sebeng sengwe le sengwe. 8 Fa re re ga re na sebe, re a itsietsa, le boammaaruri ga boyo mo go rona. 9 mme fa re ipolela maleo a rona, o boikanyego le tshiamo go re ithswarela le go re tlhatswa gotswa mo tshiamololong yotlhe. 10 Fa rere ga re a leofa, re mo dira gore e nne moaki, ebile lefoko la gagwe ga le mo go rona.