Kgaolo 6

1 Fa mongwe wa lona a nale ngangisano le yo mongwe, a o ka ya ko kgotla tshekelong go ema pele ga moatlhodi yo o sa dumeleng, go na le fa pele ga badumedi? 2 A ga lo itse gore badumedi ba tlile go atlhola lefatshe? Fa go ntse jalo, le tla atlhola lefatshe, a ga le kgone go rarabolola mathata a a senang mosola? 3 A ga lo itse gore re tlaa atlhola baengele? Le ka atlhola mathata a botshelo jo botoka go le kae? 4 Fa e le gore le tshwanetse go dira dikatlholo tse di amang botshelo jwa letsatsi le letsatsi, ke eng le baya dikgang tse mo go bao ba ba senang maitsetsepelo mo kerekeng? 5 Ke bua se go le tlhabisa ditlhong. A ga gona ope mo go lona yo o botlhale go ka rarabolola mathata mo gareng ga barwarre? 6 Le fa go santse go ntse jalo, modumedi o ya ko kgotla tshekelong kgatlhanong le modumedi yo mongwe, mme kgang eo e neelwa moatlhodi yo o sa dumeleng! 7 Bo nnete jwa gore go nale mathata ape fela gareng ga badumedi bo setse bo le fentse. Ke eng bogolo le sa boge mo bosuleng? Ke eng bogolo le sa iteseletse gore le tsiediwe? 8 Mme le tsieditse ebile le diretse bangwe phoso, mme bao ke bakaulengwe ba lona. 9 A galo itse gore basiamolodi ga bana go rua bogosi jwa Modimo? Le seka la dumela maaka. Ba ba dirang boaka, barapedi ba medingwana ya disetwa, bagokaganyi, bagwebi ka mmele ba bo rre, baratani ba bong bo le bongwe, 10 magodu, baikgakgapeledi, matagwa, bakgobotletsi le batsietsi- ga go ope wa bone yo o tla ruang bogosi jwa Modimo. 11 Ke ka fa bangwe ba bone ba neng ba ntse ka teng. Mme le tlhatswitse, le itshepisitswe, le dirilwe basiami le Modimo mo leineng la Morena wa rona Jeso Keresete le ka Moya wa Modimo wa rona. 12 "Sengwe le sengwe se ka fa molaong mo go nna," mme e se sengwe le sengwe se se ntswelang mosola. "Sengwe le sengwe se ka fa molaong mo go nna," mme ga ke ka ke ka laolwa ke epe ya tsone. 13 "dijo ke tsa mpa, le mpa ke ya dijo," mme Modimo o tlaa di tlosa tsotlhe. Mmele ga wa direlwa boaka. Le fa go ntse jalo, mmele ke wa Morena, mme Morena o tlaa neela mmele. 14 Modimo o tsholeditse Morena mme o tla re tsholetsa ka maatla a gagwe. 15 A ga lo itse gore mebele ya lona ke ntlha ya ga Keresete? A ke tseye dingwe tsa dintlha tsa ga Keresete ke di gokaganye le bagwebi ba mmele? A go se nne! 16 A ga lo itse gore yo o gokagantsweng le mogwebi wa mmele o nna nama ele nngwe le ene? Jaaka temana e re," bobedi bo tla nna name ele nngwe." 17 Mme yo o gokagantsweng le Morena e nna Moya ole mongwe le ene. 18 Le tshabeng mo boakeng! Le sebe sengwe le sengwe se motho a se dirang kontle ga mmele, mme motho yo o dirang boaka o leofela mmele wa gagwe. 19 A ga lo itse gore mmele wa lona ke tempele ya Moya o Boitshepo, yo o tshelang mo go wena, yo o nang le one go tswa ko Modimong? A ga lo itse gore ga le bo lona? 20 Ka gore le rekilwe ka tlhatlhwa. Ka jalo galaletsang Modimo ka mebele ya lona.