Kgaolo 2

1 Jaanong lona Baperesite, taelo e ka ya lona. 2 "Fa le ka seke le reetsee, gape le sa beye se mo dipelong tsa lona go tlotla leina la me,'' go bua Morena wa masomosomo, ''jalo ke tla romelele phutso, mme ebile ke tla hutsa ditshegofatso tsa lona. Ka nnete, ke ba husitse, ka go nne le sa baya ditaelo tsa me mo dipelong tsa lona. 3 Bonang, ke gaufi le go kgalemela ba ditshika tsa lona, mme ke tla gasa gasa boloko mo difatlhegong tsa lona, boloko jwa go tswa mo medirong ya lona, mme o tla le tlosa le jone. 4 Le tla itse gore ke romeletse taelo e kwa go lona, le go re kgolagano ya me e tla tswelela e ntse le Lefi,'' go bua Morena wa masomosomo. 5 Kgolagano ya me le bone e ne e le botshelo le kagiso, mme ka di mo neela; ka mo naya poifo, a mpoifa, mme a ema ka tshisimogoya leina la me. 6 Kaelo ya buammaaruri ya bo e le mo molomong wa gagwe, mme go sena sa maaka mo dipounameng tsa gagwe. o tsamaile le nna ka kagiso le tshiamo mme a retologa mo boikepong. 7 Gonne dipounama tsa moperesite di tshwanetse go boloka kitso mme batho bone ba tshwanetse go senka kaelo go tswana mo molomomg wa gagwe, ka gonne ene ke morongwa wa Morena wa masomosomo. 8 Mme le fapogile mo tseleng ya nnete. le dirile go re bontsi bo thetheekele mo molaong. Le leswafaditse kgolagano ya ga Lefi,'' go bua Morena wa masomosomo. 9 "Ka jalo, ke dirile go re le nne matlhabisaditlhong ebile le nyatsege ga pele ga batho botlhe, ka go bo le sa boloka ditsela tsa me, mme gape le supile fa le gogela ntlha e le nngwe mo go tsa molao.'' 10 A re na raa rona yoo leng mongwe fela? Aa ga re a bopiwa ke Modimo a le mongwefela? Ke eng fa re sena tumelo mongwe a nna le kgotlhang le motsalwa le ene, re leswafatsa kgolagano ya borraarona? 11 Juta o ne a tlhoka tumelo. Matlhabisaditlhong a ne a dirwa mo Iseraele le mo Jerusalema. Gonne Juta o leswafaditse lefelo le le boitshepo la Morena le a le ratang, ka o ne a nyala morwadi wa modimo wa seeng. 12 A Morena a kgaole momathibelelong a ga Jakoba, ope fela yo thantseng le yoo arabang, le fa a ka tswa a ntsha setlhabelo kwa go Morena wa masomosomo. 13 Mme gape le dira jaana: le khurumetsa sebesosa Morena ka dikeledi, ka selelo le khutsafalo, ka go nne le jaanong ga a retologele kwa setlhabelong le fa e le go se amogela ka thekegelo go tswa mo diatleng tsa lona. 14 Mme le a re, ''Ke eng a sa dire jalo?'' Ka go nne Morena o ne a nna mopaki fa gare ga gago le mosadi wa bonana jwa gago, yo o mo tlhoketseng boikanyego, le fa a ne a le mopati wa gago mme ebile a le mosadi wa gago wa kgolagano. 15 Aa ga a ba dira mongwefela, ba na le kabelo ya mowa wa gagwe? Ke ka go reng fa a ne a lo dira mongwefela? Ka gonne o ne a batla letlhogela go tswa mo Modimong. Ka jalo itiseng mo moeng wa lona, mme o seka wa tlhoka go nna boikanyego mo mosading wa bonana jwa gago. 16 ''Gonne ke ila tlhalo,'' go bua Morena, Modimo wa Iseraele, ''le ene yo o kgorometsang seaparo sa gagwe ka thubakano,'' go bua Morena wa masomosomo. ''Ka jalo itise mo moeng wa gago mme o se ka wa tlhoka go nna boikanyego.'' 17 Le lapisitse Morena wa masomosomo ka mafoko a lona. Mme le a tle le re , "Re mo lapisitse ka eng?'' Ka go re, "mongwe le mongwe yo o dirang bosula o siame mo matlhong a Morena, le go re o a bo itumelela,'' ka nagape go re , ''O kae Modimo wa tekatekano?