KGAOLO 9

1 Gonne ke akantse tse tsotlhe ka batho ba ba siameng le ba ba botlhale ke akantse tse tsotlhe ka ga bone le ditiro tsa bone. Ba mo diatleng tsa Modimo botlhe. Ga go ope yo o itseng fa lerato kana kilo di tla tlela mongwe. 2 Mongwe le mongwe o na le phelelo e tshwanang. Phelelo e e tshwanang e emetse basiame le baikepi, ba ba siameng, ba ba phepa le ba ba seng phepa, yo o ntshang setlhabelo, le yo o sa ntsheng setlhabelo. Jaaka basiame ba tla swa, le baleofi ba tla swa. Jaaka yo o ikanang a tla swa, jalo le monna yo o tshabang go tsaya maikano o tla swa. 3 Go na le phelelo e maswe mo dilong tsotlhe tse di dirwang ka fa tlase ga letsatsi, phelelo e e tshwanang mo bathong botlhe. Dipelo tsa batho di tletse ka moya o maswe, le boeleele bo tletse mo dipelong tsa bone fa ba santse ba tshela. Mme morago ga moo ba tla swa le bone. 4 Gonne mongwe le mongwe yo o kopanang le batshedi, go na le tsholofelo, fela jaaka ntsa e tshelang e le botoka thata go na le tau e suleng. 5 Gonne batshedi ba itse gore ba tla swa, mme baswi bone ga ba itse sepe. Ga ba sa tlhole ba na le tuelo epe gonne megopolo ya bone e lebetswe. 6 Lerato la bone, kilo ya bone, gonna le lehuha la bone di sale di nyeletse mo nakong e e fetileng. Ga ba kitla ba nna le lefelo lepe gape mo go sengwe le sengwe se se dirwang mo letsatsing. 7 Tsamaya, jaa borotho jwa gago ka boitumelo, o nwe mofine wa gago ka pelo e e itumetseng, gonne Modimo o dumelela go ipelela ditiro tse dintle. 8 A diaparo tsa gago di nne di le ditshweu nako tsotlhe, le tlhogo ya gago e tloditswe ka leokwane. 9 Itumelele go tshela le mosadi wa gago yo o mo ratang ka malatsi otlhe a go tshela ga gago a a senang mosola, malatsi a Modimo a go neileng ka fa tlase ga letsatsi a a senang mosola. Seo ke tuelo ya gago mo botshelong mo tirong ya gago ka fa tlase ga letsatsi. 10 Sengwe le sengwe se seatla sa gago se se dirang, bereka ka thata mo go sone, ka gonne ga go na tiro kana tlhaloso kana kitso kana botlhale kwa diheleng, kwa o go yang. 11 Ke bone dilo tse di kgatlhisang thata ka fa tlase ga letsatsi: Lebelo ga se la motloga pele. Ntwa ga se ya ba ba nonofileng. Go ja ga se ga ba botlhale. Dikhumo ga se tsa ba ba tlhaloganyang. Letlhogonolo ga se la batho ba ba nang le kitso. Boemong jwa seo, nako le tshono di ba ama botlhe. 12 Gonne ga go na ope yo itseng nako ya gagwe ya go swa, fela jaaka tlhapi e tshwaretswe mo letloeng la leso, kana jaaka dinonyane di tshwarwa ke selaga. Fela jaaka diphologolo, batho ba tshwarwa mo nakong tse di bosula tse ba sa di solofelang. 13 Ke bone gape botlhale mo letsatsing ka tsela e nngwe e e intumedisitseng thata. 14 Ga bo go na le toropo e nnye e e nnang banna ba se bantsi, kgosi e kgolo ya tla kgatlhanong le yone ya e dikaganyetsa mme ya aga dilere kgatlhanong le yone . 15 Mo toropong ga bo go le monna wa motlhoki, yo o botlhale, yo ka botlhale jwa gagwe a ileng a boloka toropo. Le ntswa morago, ga go ope yo o ileng a gakologelwa monna yoo wa motlhoki. 16 Ka jalo ke ile ka feleletsa ka gore, ''Botlhale bo botoka thata go na le go nonofo, mme botlhale jwa monna wa motlhoki jwa nyadiwa, le mafoko a gagwe ga a utlwiwe''. 17 Mafoko a batho ba ba botlhale a a buelwang kwa tlase a utlwiwa thata go na le go goeletsa ga moeteledipele gareng ga dieleele. 18 Botlhale bo botoka thata go na le dibetsa tsa ntwa, mme moleofi a le mongwe o ka senya mo go siameng go le gontsi.