Kgaolo 8

1 Monna yo botlhale ke mang?Ke mang yo o itseng gore moletlo mo lefatsheng o raya eng? Botlhale mo monneng bo dira gore sefatlhego sa gagwe se galalele, le go thatafala ga sefatlhego sa gagwe go fetoge. 2 Ke go gakolola go obamela taolo ya kgosi ka gore o ikanya go go tlhokomela. 3 O seka wa itlhaganela go tswa mo bolengteng jwa gagwe, gape o seka wa emela go rotloetsa bosula, ka gore kgosi e dira se e se batlang. 4 Lefoko la kgosi le a busa, jalo ke mang yoo tla mo rayang are, '' O dira eng?'' 5 Ope yo o tshegetsang molao wa kgosi o tila bosula.Pelo ya monna yo botlhale o lemoga tshiamo ya go dira le nako ya tiragalo. 6 Ka gore boikaelelo bongwe le bongwe bo na le phetogo ya tshiamo le nako ya go fetola, ka gore mathata a monna a matona. 7 Ga gona yo o itseng se se tla tlang. Ke mang yo o o ka mmolelelang se se tlang? 8 Ga go ope yo o ka busang go feta mowa wa gagwe kana go emisa mowa, gape ga gona yo o nang le maatla a fitileng letsatsi la leso la gagwe. Ga go ope yo o tla tswang mo setlhopheng sa ntwa ka nako ya ntwa, le boikepo ga bo kitla bo golola makgoba a bone. 9 Ke lemogile dilo tsotlhe; Ke neetse pelo yaka ka fa tlase ga tiro nngwe le nngwe e e dirwang ka fa tlase ga letsatsi. Go na le nako ene motho a gatelela yo mongwe gore yo mongwe a utlwe botlhoko. 10 Jalo ka bona baikepi ba fitlhwa mo matlhong a batho. Bane ba tsewa mo lefelong le le itshephileng ba fitlhwa gape ba galalediwa ke batho mo toropong ko ba neng ba direla boikepo jwa bone teng.Mo ke go tlhoka mosola. 11 Fa seele se tswa kgatlhanong le mmaba molato wa seka wa dirwa ka bofefo, ya dira gore thata ya dipelo tsa batho di dire bosula. 12 Le fa moleufi a dira bosula ga 100 a ba tswelela ka go tshela nako e telele, le fa go ntse jalo ke a itse gore go tla siama mo go ba ba tlotlang Modimo, ba ba ikokobetsang, ba ba tlotlang boleng teng jwa gagwe le bone. 13 Mme ga go kitla go tsamaela monna wa moikepi sentle; botshelo jwa gagwe ga bo kitla bo bo nna boleele. Malatsi a gagwe a tshwana le moriti yo o fetang ka pela ka gore ga a tlotle Modimo. 14 Go nale lefela le le senang mosola - sengwe gape se se dirwang mo lefatsheng. Dilo di diragalela basiame fela jaaka di diregalela batho ba ba bosula. Ke bua kere se ke lefela le le senang mosola. 15 Jalo ke neela boitumelo, ka gore monna ga ana sepe se se botoka ka fa tlase ga letsatsi gona le go ja le go nwa le go itumela. Ke boitumelo jo bo tla tsamayang le ene mo nakong ya thobo mo malatsing otlhe a go tshela ga gagwe a Modimo a mo a neileng ka fa tlase ga letsatsi. 16 E rile ke neela pelo yame go itse botlhale le go tlhaloganya tiro e e dirwang mo lefatsheng, tiro e ne e dirwa go sa robalwe ka matlho bosigo le motshegare, 17 jalo ka ela tlhoko ditiro tsotlhe tsa Modimo, le tse monna a ka seka a di tlhaloganyang tse di dirwang ka fa tlase ga letsatsi.Go sa kgatlhalesege gore motho o bereka go le kae go bona dikarabo, ga a kitla a di bona. Le fa go ntse jalo monna yo o botlhale o ka dumela gore wa itse, mme a sa itse.