Kgaolo 12

1 Gape gakologelwa Mmopi wa gago ka malatsi a gago a bonana, pele ga malatsi a a thata a tla, le pele ga dingwaga di goroga fa o re, "ga ke sa tlhole ke di itumelela," 2 dira se pele ga lesedi la letsatsi le ngwedi le dinaledi di nna letobo, le maru a mantsho a boa morago ga pula. 3 E e tlaa bo e le nako ya fa bonno jwa bogosi bo tshikinyega, le banna ba ba kwenneng ba obega, le basadi ba ba silang mabele ba emisa ka gore ba palo potlana, le ba ba okomelang ka matlhabaphefo ba sa tlhole ba bona sentle. 4 E e tlaabo e le ka nako ya fa dipati di tswalwa mo mebileng, le medumo ya go sila e ema, fa banna ba tshosiwa ke modumo wa nonyane, le medumo ya go opela ga banyana o ya ko fokotsega. 5 Eo e tla a nna nako ya fa banna ba tshaba bo ko godimo le dikotsi mo tseleng, mme fa ditlhare di simolola go thunya, le fa ditsiakgope di gagaba mo tseleng, le dikeletso tsa tlholego di palelwa. Foo monna a tlhokafala le bahutsafadi ba tsamaya mo mebileng. 6 Gakologelwa Mmopi wa gago pele mogala wa selefera o kgaoga, kana sejelo sa gouta se thubega, kana sejwalelo se omelela ka nako ya mariga, kana leotwana la metsi le thubega ko sedibeng, 7 pele ga lerole le boela mo mmung ko le tswang teng, moya o boela ko Modimong o o oneileng. 8 Bokgola jwa moiwane, go bua Moreri, sengwe le sengwe ke moiwane o o fetang. 9 Moreri o ne a le botlhale o rutile batho kitso. O ithutile a akanya le go kwala le go tlhomaganya ka thulaganyo diane tse dintsi. 10 Moreri o ne a akanya go dirisa mafoko a boammaaruri e bile a nonofile. 11 Mafoko a batho ba ba botlhale a tshwana le dithupa. Jaaka dinala di kgaramelediwa ko teng ke mafoko a motsei o mogolwane wa diane tsa bone , tse di rutiwang ke modisa a le mongwe. 12 Morwaaka, elatlhoko sengwe gape: go dirwa ga dikwalo tse dintsi tse di senang bokhutlo le go ithuta mo go ntsi go tlisa letsapa mo mmeleng. 13 Morago ga dilo tsotlhe di sena go utlwiwa, ke gore o tshwanetse go boifa Modimo le go boloka ditaelo tsa gagwe, ka se ke tiro yotlhe ya motho. 14 Ka Modimo o tlaa tsisa tsotlhe go atlholwa, le sengwe le sengwe se se fitlhegileng, se le molemo kana bosula.