Kgaolo 10

1 Jaaka dintsi tse di suleng di dira gore senkgisa monate se nkge bosula, ka jalo boeleele bo kgona go fenya botlhale le tlotlo. 2 Pelo ya motho yo o botlhale e dira ditiro tse di siameng, mme pelo ya seeleele e dira ditiro tse di sa siamang. 3 Fa seeleele se tsamaya mo tseleng, kakanyo ya sone ke bomatla. Se supegetsa mongwe le mongwe gore ke seeleele. 4 Fa maikutlo a moeteledipele a go tsogologela, o seka wa tlogela tiro ya gago. Maikutlo a a iketlileng a kgona go ritibatsa tshakgalo. 5 Go na le bosula jo ke bo boneng ka fa tlase ga letsatsi, phoso e e dirwang ke moeteledipele. 6 Dieleele di neelwa maemo a boeteldipele, fa ba ba atlegileng ba neelwa maemo a a ko tlase. 7 Ke bone batlhanka ba palame dipitse, fa ba ba atlegileng ba tsamaya ka dinao jaaka batlhanka. 8 Ope fela yo o epang lehuti o ka wela mo go lone, le fa mongwe a thuba lekotswana, o ka longwa ke noga. 9 Ope fela yo o thubang matlapa a ka mo gobatsa, le monna yo o remang dikgong di ka mo gobatsa. 10 Fa selepe se se bogale, a bo monna a sa se loetse, o tshwanetse a dirisa nonofo e ntsi, mme botlhale bo re neela tshono ya katlego. 11 Fa noga e ka go loma pele ga o itsalanya le yone, ga gona mosola wa go tlhola o itsalanya nayo. 12 Mafoko a a tswang mo molomong wa monna yo o botlhale ke tshegofatso, mme dipounama tsa seeleele di mo tsenya mo diphatseng. 13 Jaaka mafoko a simolola go elela mo molomong wa seeleele, boeleele bo tswela ko ntle, kwa bofelong molomo wa gagwe o elela dipuo tse di bosula tsa botlhakana tlhogo. 14 Seeleele se mafoko a mantsi, ga gona ope yo o itseng gore o tla bua eng. Ke mang yo o itseng gore o tla diragalelwa ke eng? 15 Tiro ya dieleele e a di kgathatsa, mo ba timelelwang ke tsela ya go ya metseng ya bone. 16 Go hutsegile wena, lefatshe, fa kgosi ya gago e le lekawana, le fa baeteledipele ba gago ba simolola go ipela mo mosong! 17 Mme go segofetse wena, lefatshe, fa kgosi ya gago e godisitswe sentle, le fa baeteledipele ba gago ba ja ka nako e e tshwanetseng, go inonotsha, ba sa nwele botagwa! 18 Ka lebaka la botshwakga marulelo a bobetsega, le ka lebaka la matsogo a a ntseng fela matlo a a na. 19 Batho ba baakanyetsa dijo gore ba itumele, mofine o tlisa boitumelo mo botshelong, madi le one a thiba letlhoko la sengwe le sengwe. 20 O seka wa hutsa kgosi, le fa e le mo tlhaloganyong ya gago, gape o seka wa hutsa batho ba ba humileng mo ntlong ya gago ya borobalo. Gonne nonyane tsa legodimo e ka tsaya mafoko a gago; sepe se se nang le diphuka se ka gasa gasa dikgang.