Kgaolo 1

1 A ke mafoko a Moruti, morwa Tafita, kgosi mo Jerusalema. 2 Moruti o bua se.''Jaaka mmuwane wa kapoko,le bokgola mo phefong, sengwe le sengwe se a nyelela, se tlogela dipotso tse dintsi. 3 Batho ba boelwa ke eng go tswa mo perekong e ba e dirang ka fa tlase ga letsatsi? 4 5 6 Lefa tiro tsa monna e le go tlatsa molomo wa gagwe, mme keletso ya gagwe ga e kgotsofale. Tota, ke eng se motho yo botlhale o ka nna naso go feta di matla? Ke poelo e feng ya monna 7 Dinoka tsotlhe di elelela mo lewatleng , mme ga le nke le tlala. Ko mafelo a dinoka di yang teng, di ya teng gape. 8 Sengwe le sengwe se a lapisa,mme ga go ope yo o kgonang go tlhalosa se. Leitlho ga le kgotsofadiwe ke se le se lebang, le fa e le tsebe ga e kgotsofadiwe ke se e se utlwang. 9 Se se kileng se le teng se tlaa nnang teng, le se se kileng sa dirwa ke se se tlaa dirwang.Ga gona sepe se sesha ka fa tlase ga letsatsi. 10 A go na le sengwe se go buiwang ka ga sone, 'Bona, se se sesha'? Se se teng ke se se saleng se le teng ka lobaka, ka dingwaga tse di tsileng pele ga rona. 11 Ga go ope yo go lebegang a gakologelwa tse di diragetseng bogologolo, mme dilo tse di diragetseng pele le tse di tlaa diragalang mo bokamosong di ka nna tsa seka tsa gakologelwa.'' 12 Ke Moreri, ke ntse ke le kgosi ya Iseraele mo Jerusalema. 13 Ke dirisitse tlhaloganyo go ithuta le batla ka botlhale sengwe le sengwe se ka fa tlase ga legodimo.Go batla mo ke morwalo o o bokete o Modimo a o fileng bana ba batho go o bereka. 14 Ke bone ditiro tsotlhe tse di dirwang ka fa tlase ga letsatsi, mme bona, tsotlhe di tshwana le mmuwane le maiteko a go disa phefo. 15 Tse di sokameng ga di kake tsa tlhamadiwa! Tse di sa bonweng ga di kake tsa balwa! 16 Ke buile le pelo yame ka re, ''Bona ke batlile kitso go feta botlhe ba ba nnileng teng pele game mo Jerusalema. Tlhalogonyo yame e bone botlhale jo bogolo le kitso.'' 17 Ka dirisa tlhaloganyo go itse botlhale le botsenwa le boeleele.Ka lemoga gore ke maiteko a go disa phefo. 18 Mo bontsing ba kitso go na le go swabisega mo go ntsi, mme yo o oketsang kitso o oketsa bohutsana.