Kgaolo 8

1 Se ke se Morena Yawe a se mpontshitseng. Bona, tlatlana ya maungo a letlhafula! 2 A re ''O bonang, Amose?'' ka re, '' tlatlana ya maungo a letlhafula.'' Jalo Yawe a nthaa a re, ''bokhutlo bo tsile mo bathong bame Israele; Ga ke sa tlhole ke ka ba itshwarela. 3 Dipina tsa ko tempeleng di tlaa fetoga selelo. Mo letsatsing leo_go bua Morena Modimo Yawe. Direpa di tlaa nna dintsi, mo lefelong lengwe le lengwe ba tlaa di latlha ka ka tidimalo.'' 4 Reetsang se, lona ba le gatakang batlhoki le go ntsha bahumanegi ba lefatshe. 5 Bare, ''Ngwedi yo mosha o tlaa feta leng, gore re tle re rekise mabele gape? Ana letsatsi la Sabata le tla feta leng? Gore re rekise korong? Re tla dira selekanyo se senye mme re godise tlhwathwa, jaaka re tsietsa ka sekale se se seng sa nnete. 6 Gontse jalo re rekise korong e e senyegileng, re reke bahumanegi ka selefera, le batlhoki ka para ya mpeetshane.'' 7 Modimo Yawe o ikanne ka boikgantsho jwa ga Jakoba, '' Ka boammaruri ganketla ke lebala ditiro tsa bone. '' 8 A lefatshe ga le ketla le roroma ka se, le yoo tshelang mo go lone a lele? Lotlhe le tlaa emelela jaaka noka ya Nile, le tlaa kgarakgatshiwa mme le nwele gape, jaaka noka ya Egepeto. 9 ''Go tlaa dirafala mo letsatsing leo_ go bua Morena Modimo Yawe- ke tla dira letsatsi go phirima mo motshegareng wa setlhoboloko. 10 Ke tlaa fifatsa lefatshe mo motshegareng. Ke tlaa fetola meletlo ya lona selelo le dipina tsa lona khutsafalo. Ke tlaa dira go re lotlhe le apare dikgetse le go dira go re tlhogo ngwe le ngwe ese tlhoge moriri. Ke tla e dira jaaka go lelela morwa yoo esi, le letsatsi le le botlhoko go ya bokhutlong. 11 Bona, Malatsi a etla_ go bua Morena Modimo Yawe- fa ke tlaaa romelang leuba mo lefatsheng, eseng leuba la borotho, kgotsa la lenyora la metsi , mme ele la go utlwa lefoko la Modimo Yawe. 12 Ba tlaa tsamaya ba lapile go tswa mo lewatleng go ya lewatleng; ba tlaa taboga gotswa bokone go ya botlhaba ba batla lefoko la Modimo Yawe, mme ga ba kitla ba le bona. 13 Mo letsatsing leo makgarebe ba bantle le makawana ba tla idibala ke lenyora. 14 Ba ba ikanang ka sebe sa Samaria ba tlaa wa mme ga ba kitla ba tsoga gape.''