Kgaolo 6

1 Go hutsega ba ba iketlileng mo Sione, le ba ba akanyang gore ba siretsegile mo thabeng ya Samarea, banna ba ba tlotlegang ba merafe e e gaisang, bao ba ntlo ya Israele e batlang thuso mo go bone! 2 Baeteledipele ba gago ba re, ''Ya kwa Kalena o lebe; go tloga foo o ye Hamata, toropo e kgolo; o bo o ya kwa Gate wa Bafilisitia. A ba botoka bogolo go magosi a mabedi a gago? A molelwane wa bone o mogolo go wa gago?'' 3 Go hutsega ba ba itlhokomolosang letsatsi la sebetso ba bo ba dira terone ya tlhaselo gaufi. 4 Ba robala mo malaong a a kgabisitsweng le go nna ditilo tsa manobonobo. Ba ja dikonyana mo letsomaneng le dinamane mo lesakeng. 5 Ba opela dipina tsa boeleele ka diharepa; ba a itlhamela mo kopelong jaaka Tafite a ne a dira. 6 Ba nwa mofine mo dijaneng le go itlotsa ka maokwane a a tlhwatlhwa kgolo, mme ga ba hutsafalele matlotla a ga Josefa. 7 Jaanong ba tlaa ya lejwa le baya-lejwa ba ntlha, mme meletlo ya bao ba ba ipelang e tlaa khutla. 8 ''Nna, Morena Yaweh, ke ikanne ka nna - a ke maikano a ga Morena Yaweh, Modimo wa masomosomo, ke ila boikgantsho jwa ga Jakobe; ke ila dikago tsa gagwe tsa phemelo. Jalo ke tlaa latlha toropo le tsotlhe tse di mo go yone.'' 9 Go tlaa dirafala gore fa banna ba setse ba le 10 mo ntlong, botlhe ba tlaa swa. 10 Fa wa losika a tla go tsaya ditopo - ene yo o tlaa di fisang morago a sena go di tsaya mo ntlong - fa a bua le yo o mo ntlong , ''A gona le mongwe yo o nang le ene?''Go ka reng fa motho yoo a re, ''Nnyaa.'' Mme o tla re, ''Didimala, ka gore ga re a tshwanela go umaka leina la ga Modimo Yaweh.'' 11 Mme, bona, Modimo Yaweh o tlaa ntsha taolo, mme ntlo e e kgolo e tlaa thubiwa ka dikarolwana, le ntlo e e nnye e nna ditokinyana. 12 A dipitse di ka taboga mo matlapeng? A mongwe o ka lema teng ka dikgomo? Mme le fetotse katlholo e e maleba go nna botlhole le leungo la tshiamo go nna botlhoko. 13 Wena yo o ipelelang Lodiba, yo o reng, ''A ga re a gapa Karanaime ka thata ya rona?'' 14 ''Mme bona, ke tlaa tsosa tshaba kgatlhanong le wena, ntlo ya Iseraele - a ke mafoko a Morena Yaweh, Modimo wa masomosomo. Ba tlaa go tlhokofatsa go tswa Lebohamata go ya mokgatsheng wa Araba.''