Kgaolo 1

1 Ka ngwaga wa bobedi wa ga kgosi Darea, mo letsatsing la ntlha la kgwedi, lefoko la Morena la tla ka letsogo la Moporofeta wa mmusi wa Juta ebong Hagae, Serubabele morwa Sealetiele,le moperesite yo mogolo Joshuwa morwa Jehosadeke, a re, 2 ''Morena mothatayothe are: Batho ba ba re, 'ga se nako ya go tla kana go aga ntlo ya Morena.''' 3 Lefoko la Morena le tsile ka letsogo la ga moporofeta Hagae, le re, 4 ''A na ke nako ya lona ya gore le tshele mo matlong a lona a a fedileng, fa ntlo ye e senyegile? 5 Jaanong Morena mothatayotlhe o bua se: Elang tlhoko ditsela tsa lona! 6 Lo jadile dipeo tse dintsi, mme lo roba go le go nnye, lo a ja mme ga lo kgore; lo a nwa mme ga lo tagiwe. Lo apara diaparo mme ga lo thuthafalelwe, mme ba ba amogelang ba amogelela madi go a tsenya mo bekeng e e maroba mantsi! 7 Morena mothatayothe o bua se: Elang thoko ditsela tsa lona! 8 Tsamayang ko godimo ga thaba, lo tle ka mopako, lo age ntlo yame; 9 Lo batlile go le go ntsi mme bonang! lo tsile ka go le go nnye ko lapeng, gonne ke go latlhetse kgakala! Kagoreng? ''go bua Morena mothatayotlhe. "Ka gore ntlo yame e makgasa , fa mongwe le mongwe wa lona a siela ko ntlong ya gagwe. 10 Ka ntlha ya se magodimo a kganetse monyo go tla go lona , le lefatshe le gana go le ungwela. 11 Ke bileditse lehuma mo lefatsheng le mo dithabeng, mo mabeleng le mo mofineng o mosha , mo mahureng le mo go sepe se se tswang mo lefatsheng, mo bathong le mo diphologolong, le mo ditirong tsa diatla tsa lona. 12 Jalo Serubabele morwa Sealetiele, le moperesita yo mogolo Joshuwa morwa Jehosateke , ga mmogo le batho ba ba setseng , ba nna kutlo mo lefokong la Morena Modimo wa bone le mafoko a ga moporofeta Hagae, ka gore Morena Modimo wa bone one a mo romile mme batho ba boifa sefatlhego sa Morena. 13 Mme Hagae, morongwa wa Morena, a bolelela batho molaetsa wa Morena a re, ''Ke na le lona! - go bua Morena!'' 14 Jalo Morena a huduwa mowa wa babusi ba Juta , Serubabele morwa Sealetiele, le mowa wa moperesite yo mogolo Joshuwa morwa Jehosateke, le mowa wa batho bothe ba ba setseng, mo ba ileng ba ya go bereka mo ntlong ya Morena mothatayotlhe, Modimo wa bone 15 mo letsatsing la bo masome a mabedi le bone la kgwedi ya borataro, mo ngwageng wa bobedi wa kgosi ya Darea.