Kgaolo 50

1 Josefa o ne a patikesegile mo a neng a wela mo sefatlhegong sa ga rraagwe, a mo lelela, a bo a mo atla. 2 Josefa a laola batlhanka ba gagwe ba dingaka go omeletsa setopo sa ga rraagwe. Jalo dingaka tsa omeletsa Iseraele. 3 Ba ne ba tsaya matsatsi a le 40, gonne seo e ne e le nako e e tletseng ya go omeletsa setopo. Baegepeto ba ne ba mo lelela matsatsi a le 70. 4 Fa matsatsi a go lela a fela, Josefa a bua le ba lelapa la segosi la ga Faro a re, ''Fa jaanong ke bone botsalano mo matlhong a lona, tsweetswee buang le Faro, le re, 5 'Rre o inkanisitse a re, ''Bona, ke gaufi le go swa. O mpoloke mo lebitleng le ke le ikepetseng kwa lefatsheng la Kanana. O tla mpoloka koo.'' Jaanong ntetlelele go ya go boloka rre, mme ke tla boa.''' 6 Faro a araba, ''Tsamaya o ye go boloka rraago, jaaka a go ikanisitse.'' 7 Josefa a tsamaya a ya go boloka rraagwe. Badiredi botlhe ba ga Faro ba tsamaya le ene - ba bagolo ba ntlo ya gagwe, le badiredi ba bagolo botlhe ba lefatshe la Egepeto, 8 le botlhe ba ntlo ya ga Josefa le barwarraagwe, le ba ntlo ya ga rraagwe. Mme bana ba bone, matsomane a bone le matlhape a bone tsa sala mo lefatsheng la Goshene. 9 Dikolotsana tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba tsamaya le ene. E ne e le setlhopha se segolo sa batho. 10 Fa ba fitlha kwa seboaneng se se phothelang sa ga Atate, kwa moseja wa Jorotane, ba lela ka kutlobotlhoko e e tseneletseng. Josefa a direla rraagwe matsatsi a 7 a khutsafalo. 11 Fa banni ba lefatshe, Bakanana, ba bona khutsafalo mo seboaneng sa Atate, ba re, ''Se ke tiragalo e e botlhoko mo Baegepetong.'' Ke sone se lefelo leo le neng la bidiwa Abele Misiraimi, le le leng kwa moseja wa Jorotane. 12 Jalo barwa Jakoba ba mo direla jaaka a ba laotse. 13 Barwae ba mo rwalela kwa lefatsheng la Kanana ba mmoloka mo legageng mo tshimong ya Makhepela, gaufi le Mamore. Aborahama o ne a rekile legaga le tshimo go nna mabitla. O ne a le rekile mo go Eferone wa Mohiti. 14 Fa a sena go boloka rraagwe, Josefa a boela kwa Egepeto, ene le barwarraagwe, le botlhe ba ba neng ba mo patile go ya go boloka rraagwe. 15 Fa barwarragwe Josefa ba bona gore rraabone o sule, ba re, ''Re tla dira jang fa Josefa a ka batla go bosulosa bosula jo re bo mo dirileng?'' 16 Jalo ba bitsa Josefa, mme ba re, ''Rraago o ntshitse taolo pele a a swa a re, 17 'Bolelelang Josefa se, ''Tsweetswee itshwarele molato wa barwarraago le boleo jwa bone fa ba ne ba go direla bosula.''' Jaanong tsweetswee itshwarele batlhanka ba Modimo wa ga rraago.'' Josefa a lela fa ba bua le ene. 18 Barwarraagwe ba tla ba ribama fa pele ga gagwe. Ba re, ''Bona, re batlhanka ba gago.'' 19 Mme Josefa a ba araba, ''Le se ka la boifa. A ke mo maemong a Modimo? 20 Mme lona, le ne le batla go nkutlwisa botlhoko, mme Modimo ene o ne a direla bomolemo, go somarela matshelo a batho ba bantsi, jaaka le bona gompieno. 21 Jaanong le se ka la boifa. Ke tla le tlamela le bana ba lona.'' A ba gomotsa ka tsela e a bo a bua ka bopelontle le dipelo tsa bone. 22 Josefa a nna kwa Egepeto, le ba lesika la ga rraagwe. A tshela dingwaga di le 110. 23 Josefa o ne a bona bana ba ga Iforeimi go fitlha kwa kokomaneng ya boraro. O ne a bona gape bana ba ga Matshiri morwa Manase, ba ba neng ba bewa mo mangoleng a ga Josefa. 24 Josefa a raya barwarraagwe a re, ''Ke gaufi le go swa; mme ammaaruri Modimo o tsile go tla kwa go lona go le etelela go tswa mo lefatsheng le, go le isa kwa lefatsheng le a ikanneng go le neela Aborahama, Isaka le Jakoba.'' 25 Foo Josefa a dira gore batho ba Iseraele ba ikane maikano. O ne a re, ''Ammaaruri Modimo o tsile go tla kwa go lona. Ka nako eo le rwale marapo a me go tswa fa.'' 26 Jalo Josefa a swa a le dingwaga di le 110. Ba omeletsa serepa sa gagwe mme ba se baya mo lekeseng mo Egepeto.