Kgaolo 22

1 Gone ga diragala morago ga nako Modimo wa leka Aberahame. A mo raya a re, ''Aberahame!'' Abrahame a re, ''Ke fano.'' 2 Mme Modimo wa re, ''Tsaya morwao, morwao yo o esi, ene yo o mo ratang, Isake, mme o ye kwa lefatsheng la Moria. O mo ntshe setlhabelo mo go nngwe ya dithaba gone koo, e ke tla go e bolelelang.'' 3 Mme Aberahame a tsoga go le phakela thata, a belesa tonki ya gagwe, mme a tsaya malata a gagwe a le mabedi, ga mmogo le Isake. A phatsha dikgong tsa setlhabelo sa phiso, mme a bolola a tsaya loeto go ya kwa Modimo a mo laetseng teng. 4 Mo letsatsing la boraro Aberahame a tsholetsa matlho mme a lebela lefelo leo kgakajana. 5 Aberahame a raya makawana a gagwe a re, ''Namang lo setse fa le tonki, mme nna le lekawana re tla tsamaela fale. Re tla ya go obamela mme morago re boele gape kwa go lona.'' 6 Jaanong Aberahame a tsaya dikgong tsa setlhabelo sa phiso a di rwadisa morwaawe Isake. A tshola ka diatla tsa gagwe molelo le thipa; mme ba tsamaya mmogo. 7 Isake a bua le Aberahame rraagwe a re, "'Ntate,'' mme a re, ''Ke fano, morwaake.'' A re, ''Bona, molelo le dikgong ke tse, mme kwana ya setlhabelo sa phiso yone e kae?'' 8 Aberahame a re , "Modimo one ka sebele o tla naya kwana ya setlhabelo sa phiso, morwaake.'' Mme ba tsamaela kwa pele, boo babedi mmogo. 9 Erile ba goroga kwa lefelong le Modimo o mmoleletseng ka lone, Aberahame a aga aletara mme a ala dikgong mo godimo ga yone. Mme a hunela Isake morwaawe, a mo robatsa mo godimo ga dikgong. 10 Aberahame a tsholetsa seatla sa gagwe a tsaya thipa go bolaya morwaawe. 11 Jalo moengele wa ga Jehofa a bitsa go tswa kwa legodimong mme a re, ''Aberahame, Aberahame!"' mme a re, ''Ke fano.'' 12 A re, o seka wa baya seatla sa gago mo lekawaneng, le fa e le go dira sepe fela go le utlwisa botlhoko, go nne jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ke sena go bona go re ga o a ka wa ngamela morwao, morwao yo o nosi, mo go nna.'' 13 Aberahame a gadima kwa godimo, mme go bapa le ene ga bo go le phelefu mo tshutlheng e tshwerwe ke ditlhare ka dinaka. Aberahame a tsamaya a ya go tsaya phelefu a e ntsha e le setlhabelo sa phiso mo boemong jwa morwawe. 14 Jalo Aberahame a bitsa lefelo leo, ''Jehofa o tla naya,'' mme le metlheng ya gompieno go buega gore, ''O thabeng ya ga Jehofa go tla newa.'' 15 Moengele wa Morena a bitsa gape la bobedi go tswa kwa legodimong 16 a re - e ke polelo ya ga Jehofa - nna ka bo nna ke ikanne ka go bo o dirile selo se, o sa ikgagapelela morwao, morwao yo o esi, 17 ka boammaaruri ke tla go segofatsa ke bo ke atlolosa ditshika tsa gago mo go golo thata jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba wa lewatle; mme ditshika tsa gago di tla rua dikgoro tsa baba ba bone. 18 Ka lotsalo la gago ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tlsa segofala, ka gonne o ikobetse lentswe la me.'' 19 Jalo Aberahame a boela kwa batlhankeng ba gagwe, mme ba bolola ba ya kwa Beresheba, mme a aga mo Beresheba. 20 Ga diragala morago ga dilo tse fa Aberahame a neng a bolelelwa go re, ''Milika o tshotswe bana, le ene, a ba tsholela morwaarago Nahore.'' 21 E ne e le Use motsalwapele, Buse morwaaragwe, Kemuele rraagwe Arame, 22 Kesedi, Haso, Pilidashe, Jidilafe, le Bethuele. 23 Bethuele a nna rraagwe Rebeka. Ba ya bo e le bana ba ba ferang bongwe ba Milika a ba tsholetseng Nahore, morwaaragwe Aberahame. 24 Mogadikane wa gagwe, yo neng a bidiwa Reuma,le ene a tshola Tebahe, Gahame, Tahashe, le Maakahe.