Kgaolo 21

1 Jehofa a rekegela Sarah jaaka a ne a kile a bolela, mme a mo direla jaaka a ne a solofeditse. 2 Sara a ima mme tsholela Aberahame mosimane mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi, ka nako e neng Modimo o buile ka yone. 3 Aberahame a raya morwawe leina, yo Sara a mo mo tsholetseng, a re Isake. 4 Aberahame a rupisa morwaawe Isake fa a digela malatsi a ferabobedi, fela jaaka Modimol o ne o mo laetse. 5 Aberahame a bo a le dingwaga di le lekgolo fa mowaawe Isake a tsholwa. 6 Sara a bo a re, ''Modimo o ntirile go re ke tshege; mongwe le mongwe yo o tla utlwang o tla tshega le nna.'' 7 Mme gape a bo a re, ''Ke mang yo neng a ka raya Aberahame a re Sara o tla belega bana, mme jaanong ke mo tsholetse morwa mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi!'' 8 Ngwana a gola mme a kgwisiwa, mme Aberahame a dira modiro o mogolo ka letsatsi le Isake a kgwisitsweng ka lone. 9 Sara a lemoga fa morwawe Hagare wa Moegepeto, yo a mo tsholetseng Aberahame, a na le go sotla. 10 Mme a raya Aberahame a re, ''Leleka mosadi yo wa lelata le morwaawe, ka go bo morwaawe mosadi yo wa lelata a sena a nna mojaboswa le morwaake, Isake.'' 11 Kgang e ya utlwisa Aberahame botlhoko fela thata ka go bo a ne a rekegela morwaawe. 12 Mme Aberahame a raya Aberahame are, ''Se utlisiwe botlhoko ke lekawana, le ka mosadi wa lelata. Reetsa mafoko a mosadi wa gago mme o dire sengwe le sengwe se a se buang ka kgang e, ka gonne ke ka Isake losika la gago le tla atlang. 13 Ke tla dira tshaba e nngwe gape ka morwaawe mosadi wa lelata, ka go bo le ene e le losika lwa gago. 14 Aberahame a tsoga go le moso, a tsay,a borotho le sekupu sa metsi sa letlalo, a se naya Hagare, a se mo rwesa mo mahetleng. A mo naya morwawe mme a mo tsamaisa. A bolola mme a sasankega mo nageng ya Beresheba. 15 E rile fa metsi a fela mo sekupung sa letlalo, a tlogela lekawana ka fa tlase ga setlhatshana. 16 Mme a tsamaya, a ya go nna kgakajanyana le lone, sekgala sa motswi o ka welang teng, go nne o ne a re, ''A ke seka ka bona go swa ga ga ngwanake.'' Fa a ntse a ntse go lebagana le lekawana, a tsholetsa lentswe a lela. 17 Modimo wa utlwa lentswe la lekawana, mme moengele wa Modimo a bitsa Hagare go tswa kwa legodimong, a mo raya a re, ''O tshwenngwa ke eng, Hagare? Se boife, go nne Modimo o utlwile lentswe la lekawana fa le leng teng. 18 Emelela, tsosa lekawana, mme o le kgotlhatse, go nne ke tla le dira tshaba e kgolo.'' 19 Jalo Modimo wa bula matlho a gagwe, mme a bona sediba sa metsi. A ya go tlatsa sekupu ka metsi, mme a siela lekawana go nwa. 20 Modimo wa bo o na le lekawana, mme la gola. A nna mo nageng mme a nna mohudi wa metswi. 21 A nna mo nageng ya Parane, mme mmaagwe a mmatlela mosadi go tswa kwa lefatsheng la Egepeto. 22 Ga diragala ka yone nako eo go re Abimeleke le Phikolo mogolwane wa mephato ya gagwe a bua le Aberahame, a re, ''Modimo o na le wena mo go tsotlhe tse o di dirang. 23 Mme jaanong inkanele ka Modimo go re ga o na go ntirela boferefere, le fa e le bongwanake, kana ditshika tsa me. O ntshupegetse le lefatshe le o agileng mo go lone yone kgolagano eo e e ikanyegang e ke go e bontshitseng. 24 Aberahame a re, ''Ke a ikana.'' 25 Aberahame le ene a ngongorega mo go Abimeleke ka sediba sa metsi se malata a ga Abimeleke a se gapileng mo go ene. 26 Abimeleke a re, ''Ga ke itse yo o dirileng jalo. Ga o ise o mpolelele seo gole pele; gake ise ke utlwe ka kgang e go fitlhelela gompieno jaana.'' 27 Jalo Aberahame a tsaya dinku le dikgomo a di abela Abimeleke, banna boo babedi ba dira kgolagano. 28 Jaanong Aberahame a tlhaola dinku tse di namagadi di le supa. 29 Abimeleke a raya Aberahame a re, ''Ke ka go reng go bo o tlhaotse dinku tse tse di namagadi di le supa?'' 30 A fetola a re, ''Dinku tse supa tse di namagadi tse o tla di amogela go tswa mo seatleng sa me, go re e nne bosupi mo go nna, go re ke nna ke epileng sediba se.'' 31 Mme bitsa lefelo leo Beresheba, ka gonne boo babedi ba ikanetse gone foo. 32 Ba dira kgolagano kwa Beresheba, mme jaanong Abimeleke le Phikolo, mogolwane wa mophato wa batlhabani ba gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafilisetia. 33 Aberahame a jwala setlhare sa motamarasika mo Beresheba. Foo a obamela Jehofa, Modimo wa bosakhutleng. 34 Aberahame a nna e le motswakwa mo lefatsheng la Bafilisitia lobakanyana.