Kgaolo 20

1 Aberahame a sepela go tswa koo a lebile kwa lefatsheng la Negefi, mme a aga fa gage ga Kadeshe le Shure. A bo a le mojaki mo Gerare. 2 Aberahame a bua ka mosadi wa gagwe a re, "Ke kgaitsediake.'' Ka jalo Abimeleke kgosi ya Gerare a romela go re a tle a itseele Sara. 3 Mme Modimo wa tla kwa go Abimeleke mo torong go le bosigo, a re, ''Bona, o bidiwa yo o suleng ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng, ka gonne ke mosadi wa motho.'' 4 Foo Abimeleke a bo a ise a mo atamele mme a re, "Morena, a mme o tla bolaya le tshaba ya basiame? 5 A mme ga a nthaya a re 'Ke mosadi wa me?' Mme le ene o rile, 'Ke kgaitsediaka.' Ke dirile seo ka pelo e e itshekileng le ka go ditla tse di phepa.'' 6 Mme Modimo wa bua le ene mo torong, ''Ee, le nna ke a itse go re ke ka go itsheka ga pelo ya gago go bo o dirile se, mme ebile gape ke go iditse go nteofela. 7 Ka jalo ga ke a go letlelela go mo ama. Jalo he, busetsa monna mosadi wa gagwe, go nne ke moporofite. O tla go rapelela, mme o tla tshela. Mme fela fa o sa mo mmusetsa, itse fela go re wena le ba ga eno ka mmaaruri lo tla swa. 8 9 Abimeleke a kubuga mo mosong o mogolo mme a bitsa batlhanka ba gagwe botlhe fela. A ba bolelela dikgang tse tsotlhe, mme banna ba tshoga fela thata. Mme Abimeleke a bitsa Aberahama a mo raya a re, ''Ke ka go reng fa o dirile se mo go rona? Ke go leofetse jang, mo o ka tlisang boleo jo bo kana kana mo bogosing jwa me? O ntiretse se se sa tshwanelang go ka dirwa.'' 10 Abimeleke a raya Aberahame a re, ''Tota ke eng se se go gwetlhileng go dira se?'' 11 Aberahame a re, "Ka ke ne ke akantse go re, 'Ka mmaaruri ga gona poifo Modimo mo lefelong le, mme ba tla mpolayang ka lebaka la mosadi wame.' 12 Mme fela gone tota, ke kgaitsediaka, mme e le morwadie ntate, e se morwadia mme, mme jalo o ne a nna mosadi wa me. 13 E rile fa Modimo a ntaolela go tswa mo ntlung ya ga rre mme ke sepela go tswa golo gongwe go ya golo gongwe, ke ne ka mo raya ka re, ''O tla tshwanela ke go itshupa ka boikanyego o le mosadi wa me: Gongwe le gongwe kwa re go yang, o nne o bue ka nna o re, ''Ke monna wa me."' 14 Jalo Abimeleke a tsaya dinku le dikgomo, tse di namagadi le malata, mme a ba abela Aberahame. Mme a busetsa Sara, mosadi wa ga Aberahame, kwa go ene. 15 Abimeleke a re, ''Bona, lefatshe la me le fa pele ga gago. Thibelela fa o go ratang.'' 16 Mo go Sara a re, ''Bona, ke neile kgaitsadio dipapetlana tsa selufera di le sekete. Seo ke go apeesa molato ope fela mo ponong ya botlhe ba o nang le bone, le fa pele ga mongwe le mongwe, le go re ga gona ope mo go lona yo o leng molato.'' 17 Mme Aberahame a rapela Modimo, mme Modimo wa fodisa Abimeleke, mosadi wa gagwe, le malata a gagwe ba basadi go re ba tle ba kgone go nna le bana. 18 Gonne Jehofa o ne a dirile go re basadi botlhe ba ntlo ya ga Abimeleke ba tlhoke tsholo, ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aberahame.