Kgaolo 18

1 Modimo a iponagaletsa Aberahame ko ditlhareng tsa maoka kwa Mamere, a ne a ntse mo kgorong ya tante go le mogote mo motshegareng. 2 A leba kwa godimo, a bona banna ba bararo ba eme kgakala le ene. Erile a ba bona, a tabogela kwa go bone go ba kopantsha, kwa kgorong ya tante a bo a ba ikobela fa fatshe. 3 A mo raya a re,'' Morena wame, fa ke bone letlhogonolo mo matlhong a gago ke kopa o se fete motlhanka wa gago. 4 A metsi a mannye a tlisiwe o bo o tlhapa maoto o ikhutsa ka fa tlase ga setlhare. 5 Mme ke tlise dijo gore o tle o itapolose.Morago o ka tsamaya go bo o tswa ko motlhankeng wa gago''. Ba fetola ba re ''dira jaaka o bua''. 6 Aberahame a itlhaganelela kwa go Sara mo tanteng a re, ''baakanya ka bofefo selekanyo sa dielo di le lesome le borataro tsa boupi jwa borotho, o bo dube o bo o dira borotho''. 7 Jalo Aberahame a ya kwa morakeng go ya go tsaya namane e boruma e ntle, a e neela motlhanka wa gagwe ka bofefo a e apaya. 8 A tsaya madila, mashi le namane e e apeilweng, a di baya fa pele ga bone. A ema fa go bone fa tlase ga setlhare ba a ja. 9 Ba mo raya ba re,'' Sara mosadi wa gago o kae?'' A fetola a re,'' o mo tanteng.'' 10 A ba raya a re,'' E le ruri ke tla a boela kwa go wena ka nako ya dikgakologo, mme Sara mosadi wa gago o tla a nna le morwa.'' Sara a bo a reeditse a le mo lebating la tante,e e neng e le fa morago ga gagwe. 11 Jalo Aberehame le Sara ba bo ba tsofetse,ba godile mo dingwageng le Sara a bo a fetile mo seemong sa go ka tshola bana. 12 Ka jalo Sara a tshega, a ipolelela gore, '' morago ga gore ke tsofale le morena wame a tsofetse, a mme nka nna le boitumelo joo?'' 13 Morena a raya Aberahame a re,'' Ke ka goreng Sara a tshega a bo a bua a re, ''A nka tshola ngwana ke tsofetse mo go kana? 14 A go na le sengwe se se palelang Modimo? Mo nakong e e beilweng ke nna, ke tla a tla ka dikgakologo, ke boela ko go ene.Ka nako e ngwaga o o tlang Sara otlaa tshola morwa''. 15 Jalo Sara a ganetsa a re,'' ga ke a tshega, ka go bo a ne a tshogile. A mo fetola a re,'' nnya o tshegile.'' 16 Jalo banna ba emelela ba tsamaya ba leba kwa Sotoma. Aberahame a tswa le bone a ba boledisa. 17 Morena a re,'' A nka iphitlhela Aberahame ka se ke tlogang ke se dira, 18 lentswa Aberahame a tla a nna tshaba e kgolo, e e maatla, ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla a segofala ka ene? 19 ka go bo ke mo tlhophile gore a rute bana ba gagwe le ba lelwapa la gagwe go tshola tsela ya Morena, go dira tshiamo le katlholo, jalo gore Morena a diragatse mo go Aborahame se a se buileng le ene.'' 20 Morena a re,'' e re ka selelo kgatlhanong le Sotoma le Gomora se le segolo,le boleo jo bo bo tseneletseng, 21 ketlaa fologa ke ya go bona gore ba dirile jalo kana ga ba a dira jalo.'' 22 Banna ba, ba retologa gone foo, ba tsamaela kwa Sotoma, mme Aberahame a tswelela a eme fa pele ga Morena''. 23 Jalo Aberahame a atamela a bo a re,''a o tla nyeletsa basiame le baikepi? 24 Gongwe go na le basiame ba ba masome a matlhano mo toropong. A otla a senyaka toropo yotlhe, o bo osa utlwele botlhoko basiame ba ba masome a matlhano ba ba mo go yone? 25 A morena a seka a dira jalo, go nne kgakala le ene go bolaya basiame le baikepi, gore basiame ba seka ba tseiwa jaaka baikepi. A Morena a seka a dira jalo! A moatlhodi wa lefatshe ga a kake a dira se se siameng?'' 26 Morena a re,''fa ke fitlhela baitshepi ba ba masome a matlhano mo toropong, ke tlaa ba utlwela botlhoko ke sa senyake toropo ko Sotoma ka ntlha ya bone'' 27 Aberehama a araba a re, ''Nna yo o lerole le molora ke ikemiseditse go bua le Morena wame! 28 Jaanong a re re fa basiami ba ka nna masome a mane le botlhano?A otla senya toropo yotlhe ka ntlha ya go tlhoka ba le batlhano?'' Jalo a re, ''Ga nkitla ke o senya le fa nka fitlhela ba baba masome a mane le botlhano.'' 29 A bua gape le ene a re, ''Jalo o tla a dirang fa ba fitlhelwa ba le masome a mane?'' A fetola a re, ''Ga nkitla ke dira sepe ka ntlha ya baba masome a mane.'' 30 A re,'' Morena wame o seka wa nna bogale, gore ke bue. E tle e re gongwe o fitlhele ba ba masome a mararo gone''. A re, ''Fa nka fitlhela ba le masome mararo ga nkake ka dira sepe ka ntlha ya bone.'' 31 A mo raya a re, ''Bona, ke ikemiseditse go bua le Morena wame! Ga o ka fitlhela ba le masome a mabedi? A fetola a re, ''Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba masome a mabedi.'' 32 A re,'' A morena a seka a nna bogale, ke tla a bua se labofelo. Gongwe ba le lesome ba ka fitlhelwa koo?'' A re,'' ga nkitla ke e senyaka ka ntlha ya ba ba lesome.'' 33 Morena a tsaya tsela ya gagwe a tsamaya morago ga go fetsa go bua le Aborehame, Aborehame a boela ga gagwe.