Kgaolo 17

1 E rile Aborame a le dingwaga di le masome a le fera bongwe le boferabongwe, Morena a iponatsa mo go Aborame mme a mo raya a re, '' ke nna Modimo mothata-yotlhe. Tsamaya fa pele game, mme o nne mosiame. 2 Jaanong ke tla rurifatsa kgolagano ya me magare game le wena, mme ke tla a go ntsifatsa go menagane''. 3 Aborame a wa ka mangole a oba sefatlhego mme modimo a bua nae, a re, 4 ''Fa e le game, bona, kgolagano ya me e na le wena. O tla nna rra dichabachaba. 5 Leina la gago ga le sa tlhole e le Aborame, mme e tla nna Aborahame- mme ke tlaa go baya go nna rra dichabachaba. 6 Ke tlaa ntsifatsa tshika ya gago, mme ke tla a dira dichabachaba mo go wena, le magosi a tlaa tswa mo go wena. 7 Ke tla a simolola kgolagano ya me magare ga me le wena le ba losika lwa gago go tswa mo go wena, go ya dikokomane go nna kgolagano e e sa khutleng, go nna modimo mo go wena le bana ba gago morago ga gago. 8 Ke tla a go neela, goya baneng ba gago morago ga gago, Lefatshe le o ntse o tshela mo go lone, lefatshe lotlhe la Kanana, e tla nna la gago go ya bosakhutleng, mme ke tla nna modimo wa bone''. 9 Jaanong Modimo a raya Aborahame wa re, ''ka ga wena, o tshwanetse go tshegetsa kgolagano ya me, wena le bana ba gago go ya dikokomaneng. 10 E ke kgolagano ya me, e o tshwanetse go e tshegetsa, magare ga me le wenale bana ba gago morago ga gago;monna mongwe le mongwe mo go lona o tshwanetse go rupisiwa. 11 Le tshwaetse go rupisiwa ka go kgaola letlalo la bonna, mme se e tla nna sesupo sa kgolagano yame le lona. 12 Mosimane mongwe le mongwe mo go lona yo o na le malatsi a le boferabobedi o tshwanetse go rupisiwa, go ya ka dikokoma tsotlhe tsa lona. Se se akaretsa ope yo o tshotsweng mo lelwapeng la lona le ope yo o rekilweng mo badichabeng e se losika lwa gago. 13 Monna yo o tshotsweng mo ntlong ya lona ga mmogo le yo o rekilweng ka madi o tshwanetse go rupisiwa. Se ke kgolagano ya me mo nameng ya lona go ya ka bosakhutleng. 14 Ope fela monna yo o sa rupisiwa o tlaa ntshiwa mo bathong ba ga gabo. O a bo a robile kgolagano ya me'' 15 Modimo a ra ya Aberehame a re, '' Ka jalo mohumagadi wa gago Sarai, o seka wa tlhola o mmitsa Sarai gotlhelele, mme , leina la gagwe e tla nna Sarah. 16 Mme ke tla a mo segofatsa, mme ke tla a mo neela ngwana wa mosimane. Ke tla a mo segofatsa, mme o tla nna mma dichabachaba. Dikgosi tsa batho di tla a tswa mo go ena.'' 17 Foo Aberehame a wa ka mangole a inamisa sefatlhego, a tshega, a bua mo pelong ya gagwe a re, ''a mme ngwana o ka tsholwa ke monna yo o dingwaga di le lekgolo? Sarah o ka kgona jang, a le dingwaga di le masome a fera bomgwe, go tshola ngwana''? 18 Aberehama araya Modimo a re, '' a Ishimaele a tshele fa pele ga gago!'' 19 Modimo a re, ''nnyaa Sarah mohumagadi wa gago o tla a go tsholela ngwana wa mosimane, mme o tla a mmitsa a re Isake. Ke tla a simolola kgolagano ya me le ene e e sa khutleng le bana ba gagwe go tswa mo go ene. 20 Ka fa Ishimaele, ke go utlwile. Bona, ke mo segofaditse mme ke tla a mo atisa mme e tla a mo ntsifatsa go menagane. O tla a nna rraagwe dikgosi tse lesome le bobedi, mme ke tla a mo dira gore a nne chaba e kgolo. 21 Mme kgolagano ya me e tla a simologa le Isake, yo Sarah a tla a mo go tsholelang ka nako e mo ngwageng o o tlang.'' 22 Fa a fetsa go bua le ene, Modimo a tlhatoga a tlogela Aborahame. 23 Aborahame a tsaya Ishimaele morwa wa gagwe, le botlhe ba ba ile ba tsalwa mo lelwapeng la gagwe, le monna mongwe le mongwe yo leng mo batho ba ntlo ya ga Aborahame, mme o ba rupise ka go ba kgaola letlalo la bonna jwa bone ka lone letsatsi leo, jaaka Modimo a laetse. 24 Aborahame one a le dingwaga di le masome a fera bongwe le bofera-bongwe fa a ne a rupisiwa a kgaola letlalo la bonna. 25 Ishimaele morwae o ne a le dingwaga di le lesome le boraro fa a rupisiwa a ntshiwa letlalo la bonna. 26 Ka lone letsatsi leo Aborahame le Ishimaele morwae ba ne ba rupisiwa. 27 Banna botlhe ba ntlo ya gagwe ba rupisiwa mmogo le ene, le botlhe ba ba tshotsweng mo lelwapeng le bontlhe ba ba rekilweng go tswa badichaba.