Kgaolo 7

1 Jaanong go ya ka se lo kileng lwa nkwalela ka sone: "Go ka nna molemo gore monna a seka a ama mosadi." 2 Mme legale go itsa maakafalo, a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi yo e leng wa gagwe, mme gape a mosadi mongwe le mongwe a nne le monna yo e leng wa gagwe. 3 A monna a neele mosadi wa gagwe ditshwanelo tsa segolo tse di mo lebaganeng, mme le mosadi a dire fela jalo ka monna yo e leng gagwe. 4 Mosadi ga a na thata mo mmeleng wa gagwe fela, mme le monna ga a na thata mo mmeleng wa gagwe fa e se mosadi wa gagwe fela. 5 Lo seka lwa ikgoga yo mongwe mo go yo mongwe, fa e se fela e le tumalano gape e le ga nakwana.Lo ire se go ipha sebaka sa go rapela. Mme morago le boelane gore Satan a seka a bona sebaka sa go lo raele ka go palelwa kego itshoka ga lona. 6 Ke lo bolelela se e le thagiso fela , e se gore ke taelo. 7 Tota ke eletsa fa motho mongwe le mongwe a ka bo a ntse fela jaaka nna ke ntse. Mme motho mongwe le mongwe o neetswe ke modimo mo go farologanyeng le ga yo mongwe. 8 Mme mo go ba ba sa nyalang le batlholagadi ke lo raya ke re go ka nna molemo fa lo ka nna fela jaaka nna ke ntse. 9 Mme fa ba sa kgone go itshoka, a ba nyale. Go nne go ka nna molemo go nyala go na le go itshokodisa. 10 Mme go ba ba nyetseng, ke lo laela ke re, tota e se nna mme e le Morena: a mosadi yo o nyetsweng a seka a tlogela monna wa gagwe. 11 Mme fela fa eletsa go tsamaya, a tswelele fela a sa nyalwa, fa e se fela gore a boelane le monna wa gagwe; le monna fela jalo a seka a tlogela mosadi wa gagwe. 12 Mme mo go ba bangwe botlhe ke lo raya ke re, e le nna e seng Morena jaanong; fa mokau a nyetse mosadi yo eseng modumedi, fa ba tshela sentle mmogo ba sena bothata bope, a monna a seka a tlogela mosadi wa gagwe. 13 Le mosadi fa a na le monna yo e seng modumedi, mme ene a sena bothata le mosadi wa gagwe, a seka a tlogela mosadi wa gagwe. 14 Go nne monna yo e seng modumedi o itshepisiwa ke monna wa gagwe, E seng jalo bana ba bone ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile. 15 Fa yo e seng modumedi a batla go tsamaya o ka tsamaya, ga gona kgolego mo go yo o salang ka se, go nne Modimo o re bileditse kagiso. 16 O tla itse jang, gongwe o tla boloka monna wa gago? O tla itse jang tlhe monna, gongwe o tla boloka mosadi wa gago? 17 Fela ka fa Modimo o abetseng mongwe le mongwe ka teng, le ka fa Modimo a biditseng mongwe le mongwe ka teng, a mongwe le mongwe a tsamaye fela jalo. Ke laela diphuthego tsotlhe fela jalo. 18 A motho mongwe o biditswe a rupile? A seka a eletsa go sa rupa. A mongwe o biditswe a sa rupa? A sekaa eletsa go rupa. 19 Go rupa kana go sa rupa ga se sepe fela se se tlhokafalang, fa e se fela go tshegetsa ditaelo tsa Modimo. 20 A motho mongwe le mongwe a nne fela mo pitsong e a bileditsweng. 21 A o biditswe o le mothanka? O seka wa tshwenyega ka seo, mme fela fa o gololwa, dirisa sebaka seo. 22 Go nne yo biditsweng e le mothanka, mo Moreneng o golotswe; fela jalo yo o biditsweng a se mo botshwarongke mothankawa ga Keresete. 23 Lo rekilwe ka tlhwatlhwae kgolo, ka jalo lo seka lwa nna batlhanka ba batho. 24 Bakaulengwe, a motho mongwe le mongwe a nne fela mo Modimong a le mo seemong se a biditsweng a le mo go sone. 25 Jaanong, ka fa makgarejwana a a e seng a kgomiwe, ga ke na taelo epe go tswa go Morena; mme fela ke ntsha katlholo e e leng yame ka ke le mongwe wa ba ba bonyeng mautlwelobotlhoko a go nna boikanyego. 26 Ke bona se e le se se molemo mo metlheng e e thata e. Ka re go molemo go re motho a nne fela jaaka a ntse ka gale. 27 A o golegetswe mo mosading? O se ka wa eletsa go gololwa. A ga o mo kgolaganong epe le mosadi? O se ka wa senka mosadi go nyala. 28 Mme legale fa o nyala, ga se go re o a bo o leofa. Fela jalo le lekgarejwana le le sa kgongwang le nyalwa, ga se gore o a bo o leofa. Mme fela ka re bao, ba nna le dikgwetlho mo nameng; mo e ne ele kgakololo fela. 29 Mme fela bakaulengwe ke ne ke re sebaka se se khutshwane: a ba ba nyetseng ba nne ekete ga ba na basadi. 30 A ba ba lelang ba nne ekete ga ba lele, le ba ba itumetseng ba nne jaaka ekete ga ba itumela. A ba ba rekang ba nne ekete ga ba a tshola sepe. 31 A ba ba itebagantseng le lefatshe ba dire ka kelelelo, gonne sebopego sa lefatshe le se a fela. 32 Ke lo tlhagisa fela ke re lo ele se tlhoko; yo o sa nyalang o tlhokometse dilo tsa Morena le gore o ka mo itumedisa jang; 33 Yo o nyetseng o tlhokometse dilo tsa lefatshe le go re o ka itumedisa mosadi wa gagwe jang. 34 Go na le pharologano fa gare ga mosadi le lekgarejwana le le sa kgonwang. Mosadi yo o sa nyalwang o tlhokometse dilo tsa Morena, go re a tswelele a itshekile mo nameng le mo moweng. Yo o nyetsweng e ne o tlhokometse dilo tsa lefatshe le go re o ka itumedisa monna wa gagwe jang. 35 Mme mo ke go bua e le mo go ka lo thusang, e se go reka gongwe ke bo ke lo thaisa ka mogala, mme e le fela go lo gakolola gore lo tsamaye mo tseleng ya Morena go sena tlhakatlhakano, lo sa timelelwe ke tsela. 36 Mme fa monna a lemoga go re o gatelelwa ke maikutlo mme lekgarejwana le a le beeleditseng le gorogilwe mo dingwageng tsa go nyalwa, a a dire se a ka se kgonang se se siameng; ga a leofe, a ba nyalane. 37 Mme fela yo o tlhomameng mo pelong, a se mo kgatelelong epe fela, a kgona go itshokela thato ya gagwe, a dumela mo pelong ya gagwego re o tla itshokela kgarejwana ya gagwe le go ya pele, o tla bo a dira sentle. 38 Ka jalo yo o nyalang kgarejwana ya gagwe e a e beeleditseng o dira sentle, mme yo o itlhophelang go sa nyala, o dira botoka le go gaisa. 39 Mosadi o tshwarwa ke molao fa monna wa gagwe a tshela, mme monna wa gagwe fa a tlhokafetse, o gololesegile go nyalwa ke yo o mo ratang, fela a le mo Modimong. 40 Mme fela ke lemoga gore o ka itumela thata fa a ka nna fela; ke dumela jalo gore Mowa wa Modimo o mo go nna.